Kalafi ya Kemisetso ya Bokgakga ka fa e dirang le gore goreng o dirisa kkb?
dimelione tsa batho go ralala lefatshe di dirisitse kkb (kalafi ya kemisetso ya bokgakga) go ba thusa GO TLOGELA go tsuba, selo sa botlhokwa go se gakologelwa fa o rata go fenya disekerete ke gore o tlwaetse bokgakga, e seng disekerete, bokgakga bo go tshola a bofegile, fela bontsi jwa ditlamorago tse di kotsi tsa go goga di tswa mo dipharologanong tsa bogotlhe jwa botlhole le dire tse dingwe mo disekereteng: khabonemonokosaete, bokgakga le khasinojene e e kotsi e e tlholang dikankere, malwetse a pelo le lekgwafo le mathata a mangwe a a farologaneng a bongaka a a masisi.
kkb (kalafi ya kemisetso ya bokgakga) e fokotsa dire tse di kotsi ka bonako, mme e kgotsofatsa bontsi jwa manyora a gago ka go tlamela bokalo bo bo laolegang jwa bokgakga ka bonya ka mo dimetong tse dinnye go fitlha o siame GO TLOGELA, gona o tla tlhoka maikemisetso a a kwa tlase go dirisa kkb ( kalafi ya kemisetso ya bokgakga) go na le "nako e e boima ya tlogelo sekerete".
sere sa nicorette se go neela taolo e e matlhagatlhaga mo manyoreng a gago ka dithulaganyo tsa go meta tse di gagametseng.
karolo ya nicorette e laola manyora a gago ka go neela dimeto tse di laolwang le kamego e e tswelelang letsatsi lotlhe. segogamowa sa nicorette se tshola diatla tsa gago di tshwaregile, ka jalo fa e kete o tla latlhegelwa ke tlwaelo ya letsogo go ya molomong ya go goga janong seno se maleba thata mo go wena.
Go bona tshedimosetso e e fetang fa, golagana le motsamaisi wa mofuta wa nicorette mo go 516 5500
Tlogela go goga simolola sešwa
Kaelo ya sebele ya gago ya go tlogela
MOKGATLHO WA KANKERE WA AFORIKA BORWA
A go Goga Tota go Mosola?"
Ke ne ka tlosiwa lebokoso la lentswe morago ga go nna le kankere ka ntlha ya go goga. Janong ke hema ka mosima mo mometsong"
Ke ne ke ntse ke akanya gore ga go ne go ntiragalela. Nka se bone kankere...fela ke ne ke fositse".
Tsweetswee tlogela o santse o hema o bua le go tsamaya"
DITENG
Mabaka a go tlogela
O ka kgona go dira 2
Go boima go le kana kang GO TLOGELA
go goga 3
Go reng o tlogela? 4
Go goga go a bolaya 5
Malwetse a a tlholwang ke go goga, ga a go bolaye fela... 7
Lelapa le ditsala 8
Matlhole mo Motsokong 9
Dipoelo tsa go tlogela 10
Ka fa o ka tlogelang
GO TLOGELA 16
Go fenya go goga 21
Go kgona go ikgogela morago 22
Go nna o repile 25
Dipotso tsa bofelo 27
O KA KGONA
A o rata GO TLOGELA go goga, mme ga o itse gore o tlogele jang? Janong bukana e ke ya gago!
Re tla go thusa go tlogelele ruri- ka go tlhalosa se se go diragalelang fa o emisa go goga, goreng go diragala le ka fa o ka mekamekanang la mathata a o ka kopanang nao.
Go na le dikgato tse nne tsa go tlogela:
O akanya ka go tlogele
O ipaakanyetsa GO TLOGELA
O emisa go goga
O dira ka go nna o gololosegile mo go gogeng
Ke ne ke na le letshogo le legolo la GO TLOGELA. Ke ne ke ipolela gore: "Ke na le seterese se sentsi, ke tlhakatlhakane, ga ke ise ke fitlhe. Gotlhe fela go lebega go le gontsi. Janong ke ne ka go leka. Ke tlogetse mme janong ke gakgamala gore mathata otlhe a e ne e le ka eng." (Ke gogile 30 ka letsatsi mo malatsing a le 12).
GO BOIMA GO LE KANA KANG GO TLOGELA GO GOGA?
Batho bangwe ba fitlhela go le bonolo thata GO TLOGELA go goga. Ba le mmalwa ba fitlhela go le boima. Fela, mo bathong ba le bantsi, go tlogela ga go bonolo e bile ga go pale.
Fano ke se ba e neng e le bagogi ba le batlhano ba se buang ka go tlogela:
Ke tlhopile letlha mme ka ema mo go lona. Go ne go le bonolo go na le jaka ke ne ke akantse morago go dipuo tsotlhe tsa go gogela morago." (Ke ne ke gogile tse 25 ka letsatsi ka dingwaga tse 23)
Ke lekile gararo. Kwa bofelong ke beile pakete mo go nna. Ke dirisitse maatla a maikemisetso mme ke batlile ke tsenwa dibeke tse tharo." (Ke ne ke goga tse 20 go ya 40 ka letsatsi dingwaga tse 6.)
Nna le tsala re ne ra swetsa go leka mmogo. Re ne ra thusana mme go ne ga nna bonolo."
Ke ne ke goga tse 15 ka letsatsi ka dingwaga tse 34.
Ke ikutlwa ke ritibetse sentle le go itumela. Fa ke leba kwa morago go ne go se boima go le kalo."
Ke ne ke goga tse 30 ka letsatsi ka dingwaga tse 32
Mme bontsi jwa ba e neng e le bagogi ba dumalana le ntlha e:
Gangwe ke sweditse tota le kakanyo ya me GO TLOGELA. Nka kgona go dira."
Go feta dimelione tse 40 tsa MaAmerika, dimilione tse 11 tsa MaBorithane le dimelione tsa MaAforika Borwa di emisitse go goga ka leruri. Di supile gore fa o rata tota GO TLOGELA - o ka kgona.
Lebagana le selo se o se boifang, mme o dirana le letshogo leo."
Ga a itsewe
KE KA NTLHA YA ENG O TLOGELA?
Go na le mabaka a le mantsi a go tlogela. Gongwe o tla tshela ka goleele le go itemogela setlhabi se se fokotsegileng le bolwetse. Go ikgolola mo tshwaetsegong e e maatla jaka go goga sekerete go tla go dira gore o ikutlwe o le monate ka wena.
Ke rata go itekanela
Ke rata go gololosega mo tlwaelong e e turang le e e senyang
Ke tla boloka madi (bokana ka R4000 ka ngwaga o le mongwe ka letsatsi ka ditlhotlhwa tsa 2002)
Ga ke rata go laolwa ke disekerete.
Ke tla hemela bonolo
Ke tla bo ke gololosegile mo matshwenyegong a gore nka bo ke a ipolaya.
Ga ke ne ke ikutlwa jaka molatlhelwantle kwa dikopanong tsa loago magareng ga ba eseng bagogi.
Ga go sa tlhole go na le diaparo tse di nkgang, ditshela molora tse di leswe, ditompi tsa disekerete go di sela kana dikamore tse di mosi.
Ga ke ne ke dira gore banake ba lwale ka ntlha ya mosi o o leswafetseng.
Ke rata go baya sekao se sentle mo baneng ba me.
Nka se kgotlhele mowa o ba bangwe ba tshwanetseng go o hemela.
Bonela pele mokgwa wa botshelo wa gago o o gololosegileng mo mosing o o itekanetseng.
Janong feleletsa polelo e ka go kwala mabaka a sebele a gago a botlhokwa thata a go tlogela.
Ke sweditse go tlogela ka ntlha ya ...
GO GOGA GO A BOLAYA
Go ya ka Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo, go goga go tla nna sebakwa sa ntlha se se tlholang loso mo lefatsheng go fitlha ka 2030.
Go setse mo dinageng tse di jaka Dinaga tse di Kopaneng, United Kingdom le Canada, go goga go BOLAYA batho ba le bantsi go na le heroene, khokheine, nnotagi, phamokate, melelo, dipolao, go ipolaya le dikotsi tsa tsela di kopane!
Mo Aforika Borwa malwetse a a amanang le motsoko a bolaya bokana ka batho ba le 25 000 ngwaga mongwe le mongwe. Seno se lekana le Jumbo e e laisitsweng e tletse e sugagana le go bolaya botlhe ba ba palameng MALATSI MANGWE LE MANGWE A LE MATLHANO.
GO GOGA GO A BOLAYA
Mme ke ka ntlha ya eng go goga go le kotsi jana? Go le jalo, lenane ke le la malwetse mangwe a a tlholwang ke go goga kana go a dira gore a etegele:
ditlhaselo tsa pelo bolwetse jwa mothapo wa madi boronkhaetese e e masisi
Setorouko (karolo ya boboko mothapo o senyegile)
Empisema (makgwafo a tletse mowa mme go baka mathata a khemo le pelo)
Ditlhagala tsa mogodu
Go se tsogelwe
Kankere ya makgwafo, mometso, menapekodu, setlha, pankerisi, philo, mogodu le molomo wa popelo
Mme mo basading:
Tlhagelelo ya ka pele ya menophose
Mo tlaleleletsong, bana ba ba belegwang ke bomme ba ba gogang ba tshwanelwa ke go belegwa ba le boimatlase, ba nne batlaabalapile kana ba tlhokafale pele ga letsatsi la matsalo la bona la ntlha.
Ke atlile mosadi wa me wa ntlha le go goga sekerete sa ntlha ka letsatsi le lengwe; ga ke ise ke ke ke nne le nako ya motsoko fa e sale."
MALWETSE A A TLHOLWANG KE GO GOGA GA A GO BOLAYE FELA ...
Tseno le tsona di ka dira gore botshelo jwa gago bo sulafale dingwaga di le dintsi:
Ditshika tse di thibegileng di ka tlhola ditlhabi mo maotong fa o itshidilola mme go ka ba ga isa kwa go kgaolweng ga tokololo.
Mathata a sehuba jaka mathata a khemo le pelo a ka go tlogela o nna o robetse dingwaga, o lwela khemo nngwe le nngwe.
Bagogi ka gale ba simolola go nna le mathata fa ba le mo go bo30 le 40, fela le bagogi ba dingwaga tse 18 ga ba a itekanela jaka ditsala tsa bona tse di sa gogeng.
LELAPA LE DITSALA
Lelapa la gago le ditsala ba ka bona tshiamelo mo go emiseng go goga ga gago.
Ba ka itumelela mowa o o phepa.
Bana ba ba e seng bagogi ba tshwanelwa go le gonnye go simolola go goga ka bobona.
Ba e seng bagogi ba ba nnang le mogogi ba ka bona kankere le bolwetse jwa pelo go tswa khemong ya go goga mosi wa sekerete sa motho.
Bana ba bannye mo magaeng a bagogi ba tshwanelwa thata ke go nna le asema, kana go robadiwa kwa sepetlele ka nyumonia kana boronkhaetese.
Go wena, lelapa la gago le ditsala tsa gago, dipoelo di simolola mo letsatsing le o emisang go goga.
ATLA YO O SA GOGENG ...
UTLWA PHAROLOGANO!
MATLHOLE MO MOTSOKONG
Mangwe a Matlhole mo Motsokong
SEFALA PENTE DIBOLO Asethone TSA MMOTO Nafothaleni
MAFURA A A MESI YA
BOFEFO LEKGWAMOSI
MAFURA A BOTLHOLE
NTLOBOITHUSETSO
ASEINE
Esiti ya Aseteki SEBOLA YA DITWATSI
Fenole
Mosi wa motsoko ke motswako wa dikhemikale tse di fetang
Dinako dingwe ke nna fela fa pele ga seipone ke itebelele ke hemela teng gase eo ya botlhole. Fa nkabo ke le kwa kampeng ya kokoano mme mongwe a leka go ntira go dira jalo, ke ne ke tla rata go mmolaya."
mogogi wa tlhokaina
DIPOELO TSA GO TLOGELA
Dipoelo tsa go tlogela
Fa o le mogogi tota wa disekerete tse 20 ka letsatsi, mme o be o raga tlwaelo, dikgonego ke gore mmele wa gago o tla itemogela sengwe se se tshwanang le se:
Mo diureng tse 2 tsa GO TLOGELA, ga go tlhole go na le bokgakga go ya pele mo tseleng ya gago ya madi. Le gale, go ka tsaya malatsi a le 2 gore dikumo tsa bokgakga di tswe mo mmeleng wa gago.
Mo diureng tse 6 go betsa ga pelo ya gago go ya ka bonya mme kgatelelo ya madi a gago e ya kwa tlase go le gonnye. Go ka tsaya malatsi a le 3 go ya 30 gore kgatelelo ya madi e boele kwa tlwaelong.
Magareng ga diura tse 12 le 24, khabonemonokosaete e ntshiwa mo mmeleng wa gago. Bokgoni jwa makgwafo bo a tokafala. O tla bo o tlhaela kwa tlasenyana khemo fa o iteka, mme maatla a a ntseng a tla tokafala.
Mo malatsing a le mmalwa, o tla simolola go utlwala le go nkga boforeše. Makukunyatatso a gago a tla simolola go nna le botshelo mme boleng jwa gago jwa go nkgelela bo tla bowa. O ntse o ka itemogela boitumelo bo bogolo morago ga go fitlhelela sengwe se o neng o akanya se sa kgonege.
Mo malatsing, sehuba se se kokotletseng se a bofologa mo mafatlheng a gago, mme o tla se gotlhola mo dibekeng di le mmalwa tse di latelang. Silia, mokgwa wa mmele wa tlholego wa go phepafatsa, o simolola go itharabolologelwa.
Go ntse go ka tsaya go fitlha dikgwedi tse tharo pele silia e itharabologelwa gotlhelele go phepefatsa bophepa ka nonofo mogogoro wa makgwafo. Mo dibekeng tse 3, makgwafo a gago a dira botoka. Go itshidilola go botoka.
Mo dikgweding tse 2, madi a a elelelang kwa maotong a tokafetse. O tla nna le maatla go feta (mme wa ikutlwa o na le kakanyo ya go go itlotla le kgotsofalo).
Morago ga dikgwedi tse 3, mokgwa wa go phepafatsa makgwafo a gago o tla bo o dira ka tlwaelo. Fa o le monna, sepeme sa gago se tla nna ka tlwaelo go feta mme palo ya tsona e tla oketsega.
Ka bonya, dirwe tsa madi le disele tsa di iphaphatileng le makgwafo a gago di boela kwa mannong. Seno se ka tsaya nako e telele.
Morago ga dikgwedi tse 12, kotsi ya bolwetse jwa seisamadi sa pelo se batla se nna halofo go sa bagogi ba ba tswelelang.
Morago ga dingwaga tse 15, kotsi ya bolwetse jwa seisamadi sa pelo e batla e tshwana le ya ba ba sa gogeng.
KA JALO O THIBELWA KE ENG?
Ke nngwe ya maithabiso di le mmalwa tse ke di tlogetseng."
A re lebeleleng ka kelotlhoko selo se se bidiwang "boithabiso." Bo go dira gore o gotlhole, bo lomaloma mogolo wa gago, bo tlogela dipatso mo menwaneng ya gago, bo tlhola leswe, bo kgotlhela mowa, ke kotsi ya molelo, mme morago ga boithabiso jwa gago ga o kgotsofale go fitlhela o goga gape.
Ke jone fela tsala ya me."
Go goga go solofetsa botsala, fela go go tlhaba kwa morago. Go go utswetsa nako, maatla a gago le madi a gago. Go befa ga tsotlhe go ntse go ka go tseela le botshelo jwa gago. Ke ditsala tsa mofuta mang tseo?
KA JALO O THIBELWA KE ENG?
Go goga go okobatsa methapo ya me"
Nnete ke gore kgagamalo fela e sekerete tota se e nolofatsang ke go nyorelwa sekerete se sengwe! Go na le ditsela tse di itekanetseng tsa go mekamekana le matshwenyego go na le motsoko. (bona tsebe 24)
Go thari GO TLOGELA janong"
Ga go nke go nna thari GO TLOGELA go goga. Go sa kgathalesege bogolo jwa gago, kotsi ya go se itekanele go tswa mo go gogeng e a fokotsega fao tlogela. Le gale, go tlogela ka bonako go botoka. Ga go nke go nna ka pele go tlogela.
Ke lekile sengwe le sengwe mme ga go se se dirang"
Mo nakong e go ka nna le pharologano. Thuso ke mogala fela fa gautshwane. Leletsa 720 3145. Keletso mo bukaneng e e diretse dikete tsa ba e neng e le bagogi. Ithute go tswa diphosong tse di fetileng mme o atlege janong.
GO IPAAKANYETSA GO TLOGELA
BAYA LETLHA LA GO TLOGELA
Swetsa letlha le mo go lona o yang GO TLOGELA.(O se ka wa tsaya tshwetso ya go LEKA. Swetsa ka tlhamalalo GO TLOGELA). Dira letsatsi le ka lona o tla bong o se ka fa tlase ga kgatelelo e ntsi, fela o se ka wa bona maiphitlho a go sutisa letlha la gago la go tlogela. Baya letsatsi le e ka nnang beke go tloga janong mme o siamise monagano go tlogela.
BONA TSHEGETSO
Lelapa, ditsala le badirimmogo ba ka nna thuso e kgolo kwa mongweng yo o ratang GO TLOGELA go goga. Fano ke dilo dingwe tse o ka ba kopang go di dira:
Tsweetswee intshwareleng fa ke le pelo khutshwane kana ke rumolega mo malatsing a le mmalwa a ntlha morago ga fa ke sena GO TLOGELA go goga. Seno se tla tsamaya ka bonako."
O se ka wa nthaela. Go bona le go nkgelela disekerete go tla nketefaletsa GO TLOGELA. Ka jalo, tsweetswee o se ka wa mpha sekerete. E bile, fa go kgonega, o se ka wa goga fa pele ga me."
Nthuse. Nna o ntse o mpolelela gore o itumetse ka ke tlogetse go goga."
Nteboge o mpake. Dira dilo tse dinnye go bontsha gore o motlotlo ka nna."
O se ka wa tshwaya diphoso. Utlwisisa."
Neele thotloetso fa go le thata. Mpolelele gore ke tshwarelele mo teng."
Leka go bona yo o neng a goga go dira jaka motho yo o tshegetsang mongwe yo o fetileng foo ka boena. Bona motho yo o ka mmitsang nako nngwe le nngwe - mongwe yo o tla theetsang, e seng go atlhola. O ntse o ka tsena mo setlhopheng sa tshegetso sa ba e neng e le bagogi - fa go na le sengwe mo kgaolong ya lona.
RULAGANYA "KHETI YA PHALOLO" YA GAGO
O tla tlhoka dikemedi tsa go goga ga gago. O ka bona kgotsofalo ya molomo go tswa disenekeng tsa kalori e e kwa tlase, borekhu bo bo tlhafunwang kana dintshamenong. O ka tshola mabogo a gago a tshwaregile ka diphensele, go loga dibaga kana sekwaše sa kgwele.
O tshwanetse o swetse gape gore a o ya go dirisa tsa nako e e boima, borekhu bo bo tlhafunwang kana sesanasana legano, se se nang le bokgakga. Dithuso tse di ka nna botlhokwa thata mo go go thuseng go fokotsa matshwao a pusetso morago morago ga go tlogela. Bua le ngaka ya gago kana rrakhemese ka bonako bo bo kgonegang. Fela o ka tlogela kwa ntle ga go dirisa dithusa.
GO IPAAKANYETSA GO TLOGELA
SWETSA KA DITEBOGO TSA GAGO
Ka ntlha ya fa o dira phetogo e kgolo ya botshelo, o tshwanetse go ipha tlhokomelo ya ka gale. Rulaganya ditebogo tse dinnye tse o ka di iphang mo tseleng.
Ditebogo tse di tshwanetse go nna tse di tlhotlhwa godimo. O ka di duelela ka go dirisa madi a o a bolokang ka go se reke disekerete. Dikao dingwe ke dibuka, dithunya, go phaphatwa legetla le go bona nako e ntsinyana ya ditlwaelo tsa gago. Baya madi a o a bolokang mo setsholeng letsatsi le letsatsi mme o bone jaka a gola. Rekela mogatso dimpho le bana go ba lebogela go go thusa.
MEKGWA YA GO TLOGELA
Tšhono ya gago e e gaisang ya katlego ke go kgaogana ka tlhamalalo le disekerete go na le go fokotsa ka bonya. Fa o leka go fokotsa, sekerete sengwe le sengwe se nna botlhokwa mo go wena, go go dirang gore go nne thata go latlha disekerete di le mmalwa tsa bofelo.
Le gale, mongwe le mongwe o farologane, mme o ntse o ka rata go fokotsa ka bonya pele o tlogela.
simolola go goga sekerete sengwe le sengwe go le gonnye
Simolola go fokotsa palo ya kgogo e o e dirang mo sekereteng sengwe le sengwe. Simolola ka go thala sekeletsa go dikologa sekerete sa gago kwa ntlheng e e fa gare. Goga fela go fitlha fa ntlheng e o be o emisa. Letsatsi le letsatsi sutisetsa tshekeletsa go ya tlase ka go rialo o goga go le gonnye le go feta jalo ga sekerete sengwe le sengwe.
Mokgwa o o botoka wa go tlogela go goga ke go tlogela fela ka gangwe - ga go fa go ka re, le kgotsa mme fela." - Edith Zittler
Tima maiteko a a itlelang a gago
Tsenya lebanta le le taologang go dikologa pakete ya sekerete sa gago gore go bula sekhurumelo, o gapelesege go se tlosa. Seno se tla go thibela ka go itlela go fitlhelela sekerete gone o tshwanetse go dira tshwetso e e thathamologetsweng ya go goga.
Ka jalo, go tloga gompieno, goga fela disekerete tse o totang o di tlhoka.
E re fela 'nnyaa!'
Goga fela disekerete tsa gago, mme o gane tsotlhe tse o di abelwang go tloga janong go ya pele.
GO TLOGELA
Motsoko KANA Boitekanelo
Boitlhophelo jwa gago
Mogala wa go tlogela
GO TLOGELA
BOSIGO PELE GA LETSATSI LA GO TLOGELA
Latlha disekerete tsotlhe tsa gago, le sa bofelo. Tlhomamisa gore ga o na disekerete tse di setseng, le ditompi tota.
Latlha mekgwaro le ditsholamelora tota. "Se o sa se boning, se tswa mo kakanyong."
Emisetsa disekerete ka borekhu bo bo senang sukiri, matlhaka, dintshamenong kana dibaga tse di logang go tshola diatla le molomo wa gago di tshwaregile.
Nna ka tsholofelo. GO TLOGELA go goga ke kgwetlho. O ka go kgona!
Fa o dirisa dithusa jaka borekhu jwa bokgakga, matheriale wa go tlogedisa go goga kana segasi, tlhomamisa gore o itse gore di dirisiwa jang. Buisa pakete e e tsentsweng ka tlhokomelo.
Goga sekerete sa gago sa bofelo mme o re sala sentle mmaba wa bogologolo.
LETSATSI LE LEGOLO
Gompieno ke letsatsi le le kgethegileng - ke LETSATSI LA GO TLOGELA. Ke letsatsi la go nna yo o siameng mo go wena. Dira ka iketlo, mme o se ka wa itsenya mo kgatelelong thata.
TSAYA LETSATSI LE LENGWE KA NAKO
GO TLOGELA go goga gotlhelele go lebega jaka kgato e kgolo.O se ka wa akanya ka gore ga o kitla o goga gape. Akanya ka go tlogela go ya ka letsatsi le le lengwe ka nako. Ipolelele fela gore: "Ga ke ne ke goga gompieno" - mme o se ka. Dira letsatsi la ntlha letsatsi le legolo. Gongwe nna mo bolaong go fitlha thari - kana o tsoge segolo mo mosong. Tsaya matute a maungo jaka sefitlholo. Botšarara bo tla thusa go tlosa bokgakga. Rulaganya go ithabisa kwa bofelong jwa letsatsi jaka tebogo ya go se goge. Ikutlwe o le motlotlo mme o itholele futshe kwa bofelong jwa letsatsi lengwe le lengwe ka katlego ya gago.
GO TLOGELA
Maikaelelo a gago ke go fitlhelela letsatsi. Dirana le KELETSO ka nako mme o e fenye.
EFOGA THAELO
Tsweletsa tikologo e e phepa, e e foreše e go sa gogiweng go go dikologa.
Efoga bagogi. Nna nako e ntsi le ba ba sa gogeng.
Efoga mafelo a kwa o neng o tlwaetse go goga mme o se nne mo dikarolong tsa go goga.
Mo bekeng ya ntlha kana tse pedi, leka go efoga bojalwa, kofi le dino tse dingwe tse o di golaganyang le go goga.
GO MEKAMEKANA LE KELETSO YA GO GOGA
Fa KELETSO ya go goga e tlhasela, o tshwanetse go dira se se latelang:
Ikgopotse ka mabaka a GO TLOGELA go goga.(bona tsebe 4)
Ipolelele gore :"Ke tlhopha gore ke se goge."
Ikatisetse :"Di se dire tse 5" tse di tlhagisitsweng fa tlase.
Dirisa borekhu jwa bokgakga, matheriale wa go tlogedisa go goga kana segasi fa o ikaelela go dirisa nngwe ya tse.
Nwa metsi
Seno se bonolo, fela ke tsela e e nonofileng go efoga go goga. Tota o tshwanetse go nwa magareng ga digalase tse 8 - 10 tsa metsi kana matute a maungo ka letsatsi. Metsi a tla go thusa go tlhatswa bokgakga go tswa mmeleng wa gago. O se ka wa nwa metsi a le mantsi thata fa o dirisa matheriale wa bokgakga, borekhu kana segasi.
Fa re sa fetoge ga re gole. Fa re sa gole ga re tshele e le ka nnete... [kgolo] e kaya go tlogela tse di tlwaelegileng mme go lekanyetsa dipaterone."
GO TLOGELA
Go hemela kwa teng
Nna o ritibetse o edile ka go hemela kwa teng. O ka dira jana:
Hemela teng ka boteng o dirisa nko
Tshwara mowa wa gago ka palo ya 4
Hemela ntle ka bonya ka molomo wa gago
Boeletsa dikgato tse, ga 4 kana ga 5 go fitlha o tsidifalelwa
Dira se sengwe se sele
Go nna o tshwaregile go ka thusa go tshola kakanyo ya gago kgakala le disekerete. Sekao, morago ga dijo o se ka wa nna kwa tafoleng- phepafatsa, phepafatsa meno a gago, e ya go tsamaya, tlhatswa koloi kana o tlhapise ntšwa.
Dira lenane la ditiro tse di bonako le tse di bonolo mme o dire nngwe ya tse fa KELETSO ya go goga e tla. O ka leka go dira malepa a mafoko a a putlaganyang. Buisa makasine. Reetsa mmino. Ketlolaketlola segwete. Tsena mo bateng o tlhape go itapolosa.
Buisana le ditsala
Go bua ka dilo tse di ka go thusang go ikutlwa botoka. Go bua le yo o neng a goga e ka nna thuso e kgolo. Kana leletsa 'Motsoko kana Mogala wa Tshedimosetso ya Boitekanelo' mo go 720-3145 go bona keletso ya seporofešenale.
Tiego
KELETSO go goga e tshwarelela fela metsotso e le mmalwa e bo janong e timelela. Fa KELETSO e se bokete thata o ka e ntshetsa fela kwa ntle. Bala go fitlha 100, kana o boke leboko, kana thapelo. Lenyora le ka fenngwa.
Ipolelele go tlogela
Iphe ditaelo:" O se ka wa e dira," "Emisa," Seno se ka nna se se boima, fela nka se dira."
Dira gore boikakanyetso jwa gago bo go direle - e seng go nna kgatlhanong le wena;
Fa o simolola go akanya ka fa go ka nnang monate ka teng go goga, bogolo ikakanyetse makgwafo a a sebala sa sekonteri se se ntsho. Kana akanya ka fa batho ba tla swabang ka teng fa o simolola go goga gape.
Ikgopotse dilo tse do go tlosang mo sekereteng kana tse di go itumedisang gore o be o tlogela. Ipolelele jana "Ke tlhopha gore ke se goge"
Mme fa o ikutlwa o wele mowa, itsose ka go ikakanya jaka yo o itekanetseng, yo o hemang bonolo le go itumelela botshelo. Ke mang a tlhokang go gogoulwa?
O se kwa wa ikutlwela botlhoko. O ne o se motswasetlhabelo. Janong o mofenyi. Motsoko o ka fenngwa!
GO FENYA GO GOGA
Beke ya ntlha morago ga GO TLOGELA, o tla fitlhela gongwe e le e e boima go gaisa. Morago ga foo, mathata a nna a a laolegang go feta.
Batho bangwe ga ba itemogele ditlamorago tsa dilo tse dingwe kana matshwao a go ikgonara gotlhelele, fela bontsi jwa batho ba tla itemogela matshwao a le mmalwa. Tseno ka gale di a timelela morago ga dibeke tse di ka nnang pedi, fela dingwe, jaka go nyorwa le tlala, di ka nna tsa tsaya sebaka.
Ka gale go tsaya bokana ka dikgwedi tse tharo pele o nna sentle gotlhelele ka botshelo jwa gago bo bo ša jaka yo o sa gogeng.
Ga go batho ba le babedi ba ba tshwanang - o tshwana o le esi. Bontsi jwa maele a go mekamekana le GO TLOGELA go goga di tla go direla - fa a mangwe a ka se dire. Go tswa mo go wena go tlhopha ao a tla go direlang.
Nkampa ka nna yo o sa gogeng ka KELETSO ya sewelo ya go goga go na le mogogi ka KELETSO e e tswelelang ya go tlogela."
Tlhokaina
GO MEKAMEKANA LE GO IKGONARA
O ntse o ka lemoga diphetogo di le mmalwa tsa mmele le maikutlo morago ga GO TLOGELA. Tseno di tla tswelela malatsi a le mmalwa morago ga go tlogela mme di siame di tlwaelege.
LETSHWAO
LEBAKA LA LETSHWAO
Go nyorwa
Mmele wa gago o tlwaetse go bona "dipaakanyo" tsa gale tsa bokgakga
Tlhogo go nna Botlhofo le Tatlhegelo ya Tebiso Mogopolo
Gongwe e tlholwa ke tlhaelo ya bokgakga
Go gotlhola
Makgwafo a gago a phepafatsa sekonteri le mamina a a feteletseng
Kgagamalo, thumolego
Maemo a bokgakga a madi a a kwa tlase
Kgoberego
Gongwe le yona e tlholwa ke tlhaelo ya bokgakga
Tlala
Tshilo ya dijo ya mmele wa gago e boela sekeng
Mathata a boroko
TIRO E O MEKAMEKANANG NAYO
KELETSO e e maatla ya go goga ka gale e salela 1-5 ya metsotso pele e nyelela. Dira sengwe go go tshwarelela go fitlha maikutlo a feta- Nwa metsi, dira itshidilolo ya go hema.
Dira dilo tsa gago ka bonya go feta. O se wa ikgarametsa thata mo malatsing a le mmalwa a a latelang. Dira itshidilolo ka gale. Dira dinakwana tse di khutshwane o be o tsaya nako ya go ikhutsa. Tlhomamisa gore o ja sentle.
Nwa metsi a a thutafetseng. Go gotlhola go tla tsamaya ka bogona.
E ya go tsamaya tsamaya, Ikolobetse mo bateng e e bolelo, o leke mekgrwa ya go itapolosa. Bua le mongwe ka maikutlo a gago.
Itshidilolo e e lekanetseng (go tsamaya ka pele ga metsotso e le metlhano go ya e le lesome) e ka thusa go tsholetsa maikutlo a gago. Mathata a gago a ka rarabologa. Tshwaragana le tsona bongwe ka bongwe kana go le gonnye jalo jalo.
Ja phophokone, digwete,diphurune le diseneke tse dingwe tsa khalori e e kwa tlase. Leka go ja dijo tse dinnye tse 6 ka letsatsi. Nwa metsi a le mantsi.
Ikolobetse mo bateng mme o bone galase ya maši a a bolelo pele o ya kwa bolaong. Fa o sa kgone go robala, tsoga o buise- kana o reetse radio. Go itshidilola pele o ya go robala le gona go ka thusa.
Dikeletso tse dingwe
Tshola tatso e e foreše mo leganong la gago ka go boraša meno a gago kgabetsa le go dirisa setlhatswa legano kana segasi sa mowa o o foreše.
Dira itshidilolo e e taolosang.
Nna le go ikhutsa go go lekaneng.
Iphe nako ya ditiro tseo tse tota di leng botlhokwa mo go wena.
Motsoko kana mogala wa tshedimosetso ya Boitekanelo 720 3145
Matshwao a mangwe a a tlwaelegileng: Molomo o o omileng, mogolo o o botlhoko, tlhogo e e opang, mathata a tshilo ya dijo, go lapa, dinakwana tsa dikeledi le ditlhagala tsa molomo
GO MEKAMEKANA LE GO IKGONARA
Go fenya Seterese
Thekeneki ke e, e e bonolo go go thusa go bofolola le go ikutlwa o ritibetse. Ka la ntlheng, fokotsa modumo o o fa gaufi. Nna o phuthologe, tswala matlho a gago mme o hemele kwa tlase. Utlwelela go hema ga gago mme o bue lefoko "ritibala" kana "lapologa" jaka o hemela ntle. Morago ga metsotso e le 5-10, o tla ikutlwa o lapologetswe
Go tshwaragana le Boima
Ka bogare, bagogi ba oketsa ka 2kg morago ga go tlogela. Nako seno ke ka ntlha ya fa mmele wa gago o dirisa maatla a a kwa tlase go na le pele. Ka gantsi, ke ka ntlha ya fa ba ba ba sa tswang go tlogela ba ja mo boemong jwa go goga.
Ga o tlhoke go oketsa boima
Rulaganya dijo tsa gago. Ja dijo tse dinnye tse 3-6 boemong jwa dijo di le dingwe tse dikgolo.
Efoga dijo tse di mafura.
Ja bontsi jwa maungo a a foreše le merogo.
Nna o le matlhagatlhaga- dira itshidilolo tse dintsi (sk. go tsamaya ka pejana go dikologa boloko)
O se ka wa tshoga fa o oketsa boima bo bo rileng. Boima jwa gago bo tla ema kwa bofelong mme mo nakong o tla latlhegelwa ke dingwe tsa dikilogerama tse di feteletseng.
Go goga ga se tsela ya go laola boima: Go na le ditsela tse di botoka go dira jalo. Dipoelo tsa GO TLOGELA go goga di feta dikotsi kgakala tsa go oketsa dikilogerama di le mmalwa. Go bona tshedimosetso e e feteletseng ka go ja go go itekanetseng leletsa Heart Foundation ya Aforika Borwa mo mogaleng wa thuso 0800 223 222.
Fa o goga...
Sengwe ga se a tsamaya sentle! O ne o na le sekerete. O ikutlwa o le molato, mme o mo kotsing ya go boela morago kwa go gogeng. Ga o tlhoke go dira jalo!
Pharologano magareng ga go se kgonege le go kgonega, go ikaegile ka maikemisetso a gago"
Ithute go tswa mo maitemogelong. Ke eng se se tlhodileng KELETSO ya gago ya go goga? A e ne e le tebego le monkgo wa disekerete? A e ne e le maitemogelo a a tshwenyegang? Ke eng se o ka bong o se dirile go efoga go goga? O tla mekamekana jang le KELETSO ya go goga nako e e tlang?
Janong lebelela mabaka a gago a GO TLOGELA mme o ipolele: "Ga ke ye go letla maiteko a go ya tatlhegong. Ke santse ke le yo o sa gogeng!" Janong o be o tswelela fa o feletseng teng.
GO NNA O LOKOLOGILE
Letsatsi le le Lengwe ka Nako...
Gompieno ke kgwetlho e e lekaneng; go reng o tsaya le ya ka moso mmogo? Dirisa didirisiwa tsa go kgaratlha tsa gago jaka "Kheti ya go Falola! Ya gago, motho yo o go tshegetsang, go hemela teng ga gago mme o gakologelwe go itshidilola.
Nna pelotelele! Se se feteletseng se tla bo se fetile mo bekeng, fela go ka tsaya dikgwedi tse 3 go nna sentle jaaka yo o sa gogeng.
Go tloga dibekeng tsa 2 go ya 6...
Morago ga tse di feteletseng tsa go ikgonara ga mmele go fetile, o ntse o ka tlhoka go dirana le kgaratlho ya monagano. Ka jalo tlhomamisa go itebogela go ema kgakala le disekerete. Fa KELETSO ya go goga e tla, ipuelele go tswa mo go yona. "Ke tlhopha go se goge." E re "NNYAA!" gompieno, ka moso le letsatsi lengwe le lengwe morago ga foo.
GO NNA O GOLOLOSEGILE
Go akanya gore sekerete se le sengwe ga se ne se utlwisa botlhoko - se tla dira jalo. Ke batho ba le mmalwa ba ba ka gogang fela ka selebalo . O nna mogogi kana ga o ena .
Go keteka. Kgobokano ya bagogi le go nna teng ga bojalwa ke kopano e e kotsi - ka jalo tlhokomela. O se ka wa ipha tetla go goga ; iphe tetla ya go nna nna o itekanetse.
Tlhakatlhakano. Dilo di lebega di le maswe , seo ga se tshwenye gore a o a goga kana Nnyaa. Fela tlhakatlhakano nngwe le nngwe e tla feta. Mme fa go fedile , o tla tshwanelwa ke go tlogela gape ka tsela eo yotlhe.
MME MORAGO
O dirile sentle ! O emisitse go goga. Fela GO TLOGELA ke selo se sengwe, GO NNA O GOLOLOSEGILE
GO GOGA ke se sengwe gotlhelele.
Go fitlha mo kgatong e, o tla bo o lemogile gore batho ba emisitse go imakatsa ka mokgwa o o dirileng sentle ka teng. Go ya ka bona, gotlhe go fedile. Fela wena o itse botoka. O SE KA WA LETLA PHISEGO YA GAGO GO NGOTLEGA. Go nna o gololosegile mo disekereteng ke tlwaelo gape. Go nna motho yo o sa gogeng nako e telele go tla lebega e le ka tlholego jalo.
GO TLOGELA GO GOGA KE NNGWE YA DILO TSE DI GAISANG TSE O KILENG WA DI DIRA MO BOTSHELONG JWA GAGO. O FENTSE BOKGAKGA LE GO FETOLA TLWAELO YA DINGWAGA TSE DINTSI, ITUMELE!
DIPOTSO DINGWE TSA BOFELO
E tla nna nako e kana kang pele lenyora le fela?"
Go boima go tlhomamisa tota. Mo bathing ba bangwe go tsaya malatsi a le mmalwa. Mo go ba bangwe lenyora la go goga le tsaya nako e telejana - le fa le nna botoka ka bonya ka bonya.
Tsela e e e botoka go bolaya KELETSO ke go e bolaisa tlala. Ka jalo fa o e otla ka go goga - e tla tia le go feta.
Ke ka ntlha ya eng go sa nne boima go nna kgakala le disekerete?"
Fa fela o solofela go itumelela sekerete, kana o solofela gore se tla go tlosa go sa iketlang - keletso ya gago ya go goga e tla sala go nna teng.
O tla lokologa mo disekereteng fa go goga go sa tlhole go tshameka karolo mo botshelong jwa gago.
Tota sekeretenyana se le sengwe ga se ne se gobatsa morago ga fa ke setse ke tlogetse go goga?"
Sekerete se le sengwe se ka isa kwa "se le sengwenyana fela gape" mme pele o itse, o tla bo o boetse gape kwa morago kwa o simolotseng.
A nka se goge se le sengwe go iteka, kana go bona gore go utlwala jang go goga?"
Tseno ke maipato a go goga. Fa o lebetse gore sekerete se latswega jang - itumele. Ga o tlhoke go itekela ka go leka sekerete se sengwe. O setse o falotse teko ya botlhokwa thata. O tlogetse.
Go ka reng fa nka simolola gape? O se ka wa itlhoboga, ga go kaye gore o paletswe. Ga se mongwe le mongwe yo o kgonang nako ya ntlha. Batho ba le bantsi ba leka makgetlho a le mantsi pele ba tlogela la bofelo gotlhelele. Nako nngwe le nngwe o leka, o ka ithuta sengwe, se se tla go thusang nako e e tlang. Ka jalo, le fa o akanya o latlhegetswe ke ntwa, o ntse o ka fenya ntwa.
Ipaakanye, tlhopha letsatsi GO TLOGELA gape, mme o tswelele go dira TSHIMOLOLO E E FOREŠE! Go botoka le gale GO TLOGELA GANGWE LE GO NNA O TLOGETSE.
Borekhu jwa bokgakga bo thusa go le kae, dimatheriale tsa go tlogedisa go goga le segasi?"
Tseno di tlhomamisitswe di dira. Dibaka tsa gago tsa katlego di tla nna sebedi fa di dirisitswe mmogo le dikaelo tse dingwe mo bukaneng e.
Mme ke tla itse jang fa ke gololosegile?"
Fa o sa tlhole o akanya ka disekerete. Fa o sa tlhole o bula malatsi. Fa o emisa go belafala ka go tlogela, mme o itumela gore o dirile. Fa go nna motho yo o sa gogeng go bontsha e le tsela ya tlholego go nna jalo.
Tlogela tlwaelo, mme o Simolole Sešwa
Tsweetswee ikgolaganye le ngaka ya gago go bona keletso le tshedimosetso. e e tseneletseng
Tebego ya kwa ntle ya letshwafo la tlwaelo la motho yo o sa gogeng wa bogolo jwa dingwaga tse 45 go ya 55. Marontho a mantsho a mannye mo letshwafong ke masaladi a khabone go tswa mo go hemeng mowa wa setoropo o o kgotlhelegileng.
Letshwafo le le nang le khensa le magwata le lebega le farologane go tswa letshwafong le le tlwaelegileng. Go tlhoga go go sweukwa bofelong jwa ka fa godimo ke kankere. Tshenyego e ntsho kwa bodilong jwa letshwafo e tswa mo dikgetsaneng tsa mowa tse di tlalang mowa mme di bake mathata a khemo le a pelo.
E seng wena kana segolo thata gongwe, bao ba ba go ratang, ba tshwanetse go lebagana le ntwa e e tshwanang le e. Go tlhagelela gore go tlogela ga go gaufi jaka go le boima go na le boima go na le jaka o sa boima go na le jaka o sa tlogele. "
Motswasetlhabelo wa kankere ya letshwafo Phil Walters, wa bogolo jwa 57
